feet

Kosepele ea Johanne

A True Story



Lefoko la nna nama

1E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo. 2Ene yoo o ne a le yo mo tshimologong a ntse le Modimo. 3Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa ntle ga gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng. 4Mo go ene go ne go le botshelo; mme botshelo jo, e ne e le jone lesedi la batho. 5Lesedi le phatsima mo lefifing; mme lefifi le se ka la amogalana nalo. 6 Ga tla monna a romilwe ke Modimo, leina la gagwe go twe, Johane. 7Ene yoo, a tla go supa, gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba dumele ka ene. 8E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi. 9Ga bo go le lesedi la ammaaruri, e bong lesedi le le bonesang motho mongwe le mongwe, mme la bo le tla mo lefatsheng. 10O ne a le mo lefatsheng, lefatshe le ne le dirilwe ke ene, mme lefatshe la se ka la mo itse. 11O ne a tla mo ga gabo, mme ba e neng e le ba ga gabo ba se ka ba mo tshola. 12Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, 13e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo. 14Mme Lefoko a tla a nna nama, mme a aga mo go rona, mme ra bona kgalalelo ya gagwe, e kete kgalalelo ya yo o tsetsweng a le esi a tswa kwa go Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri. 15Johane o supa ka ga gagwe, o kua a re: “Ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me, o bile o ntse pele ga me; gonne o ne a leyo pele ga me.’ ” 16Gonne rotlhe re amogetse se se tswang botlalong jwa gagwe, le tshegofatso mo godimo ga tshegofatso. 17Gonne molao o beilwe ka Moše; mme tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete. 18Ga go motho ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa wa one yo o tsetsweng a le esi, yo o mo sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.




Jesu o phepafatsa tempele

13 Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a tlhatlogela kwa Jerusalema. 14A ya mo tempeleng a fithlela ba ba rekisang dikgomo, le dinku le maphoi, le ba ba ananyang madi ba dutse teng. 15A tshopha senteo sa megala, a di lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola; 16ba ba rekisang maphoi a ba raya a re: “Tlosang dilo tse fa; se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” 17Barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa go kwadilwe ga twe: “Tlhoafalelo ya ntlo ya gago e tlaa nja.” 18Ke gone Bajuta ba mo fetola ba re: “O re supetsa sesupo sefe ka e le fa o dira dilo tse?” 19 Jesu a ba fetola a re: “Digang tempele e, mme ke tlaa e tsosa ka malatsi a le mararo.” 20Foo Bajuta ba re: “Tempele e e jele dinyaga di le 46 mo go agiweng, a o tlaa e tsosa ka malatsi a le mararo?” 21Mme ene a bo a bua ka ga tempele ya mmele wa gagwe. 22Ke gone e rileng a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa a kile a bua jalo; ba dumela dikwalo le lefoko le Jesu o le buileng.



Jesu le Nikotemo

1Jaana ga bo go le motho wa Bafarisai go twe Nikotemo, molaodi mongwe wa Bajuta. 2A tla kwa go Jesu go le bosigo, a mo raya a re: “Rabi, re a itse fa o le moruti yo o tswang kwa Modimong, gonne ga go motho ope yo o ka dirang ditshupo tse o di dirang fa Modimo o se na nae.” 3Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” 4Nikotemo a mo raya a re: “Motho o ka tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?” 5Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. 6Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. 7O se gakgamale ka gobo ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seša. 8Phefo e fokela kwa e go ratang, mme o utlwa go suma ga yone, mme ga o itse kwa e tswang le kwa e yang teng; mme mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.” 9Nikotemo a mo fetola a re: “Dilo tse di ka nna jalo jang?” 10Jesu a mo fetola a re: “A o moruti wa Iseraele, mme o sa tlhaloganye dilo tse? 11Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, rona re bua se re se itseng, re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona. 12Fa ke lo bolelela dilo tsa selefatshe lo sa dumele, lo tlaa dumela jang, fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo? 13Ga go a tlhatlogela ope kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa Motho yo o kwa legodimong. 14 “Mme jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa gare ga naga, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa fela jalo; 15gore le fa e le mang yo o dumelang a bone botshelo jo bo sa khutleng mo go ene. 16Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. 17Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. 18“Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. 19Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. 20Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe. 21Yo o dirang boammaaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong.”



Jesu le mosadi wa Mosamaria

1Ke gone e rileng Morena a itse jaaka Bafarisai ba utlwile fa Jesu a dira a ba a kolobetsa barutwa ba le bantsi bogolo go Johane 2– le mororo Jesu ka esi a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe – 3a tloga mo Jutea, a boela kwa Galilea. 4Mme a bo a na le go ralala Samaria. 5 Jalo a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria, go twe, Sikare, gaufi le sebata sa lefatshe se Jakobe o se neileng Josefe morwawe. 6Sediba sa ga Jakobe sa bo se le teng foo. E re ka Jesu a ne a tsenywe ke letsapa la loeto, a dula fa sedibeng. Ya bo e le mo lobakeng lwa nako ya sethoboloko. 7Ga tla mosadi mongwe wa Samaria go ga metsi; Jesu a mo raya a re: “A ko o nnose metsi,” 8gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile mo motseng go reka dijo. 9 Foo mosadi wa Samaria a mo raya a re: “Go ntse jang, wena o le Mojuta, o lopa go nwa mo go nna ke le mosadi wa Samaria? Ga ke re Bajuta ga ba etalane le Basamaria?” 10Jesu a mo fetola a re: “Fa o ka bo o ne o itse neo ya Modimo, le yo o go rayang a re: ‘A ko o nnose;’ o ka bo o lopile ene, mme o ka bo a go nositse metsi a a tshedileng.” 11Mosadi a mo raya a re: “Morena, ga o na se o gang ka sone, mme sediba se boteng, mme metsi a a tshedileng ao, o a tsere kae? 12A o mogolo go feta rraetsho Jakobe, yo o re neileng sediba se, le ene a nwa mo go sone, le bomorwawe, le dikgomo tsa gagwe?” 13Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metsi a, o tlaa ba a nyorwa gape; 14mme le fa e le mang yo o tlaa nwang metsi a ke tlaa a mo nosang, ga a ketla a tlhola a nyorwa gope; metsi a ke tlaa a mo nosang a tlaa tswa motswedi wa metsi mo go ene, a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.” 15Mosadi a mo raya a re: “Morena, a ko o nnose metsi ao, gore ke se ka ka tlhola ke nyorwa, le fa e le go tsamaya mosepele o molele wa go tla kwano go ga.” 16Jesu a mo raya a re: “Ya o bitse monna wa gago, mme o tle kwano.” 17Mosadi a mo fetola a re: “Ga ke na monna.” Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, wa re ga o na monna; 18gonne o kile wa ne o na le banna ba le batlhano; mme yo o nang nae gompieno ga se monna wa gago; moo o boletse ka boammaaruri.” 19Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke a lemoga fa o le moperofeti. 20Borraetsho ba ne ba obama mo thabeng e; mme lona lwa re, Jerusalema ke gone kwa batho ba tshwanetseng go obama teng.” 21Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ntumela, lobaka lo etla lo lo se ketlang lo obamela Rara ka lone mo thabeng e, le fa e le mo Jerusalema. 22Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne poloko e tswa mo Bajuteng. 23Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. 24Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.” 25Mosadi a mo raya a re: “Ke a itse fa Mesia a tla, yo o bidiwang Keresete; e tlaa re ene a tsile o tlaa re bolelela dilo tsotlhe.” 26Jesu a mo raya a re: “Nna yo ke buang nao, ke nna ene.” 27Foo barutwa ba gagwe ba tla; ba gakgamala ka a bua le mosadi; le fa go ntse jalo ope a se ka a re: “O batlang?” kgotsa: “O buelang nae?” 28Jalo mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe; a ya mo motseng, a raya batho a re: 29“Tlaang lo bone monna yo o mpoleletseng dilo tsotlhe tse ke ntseng ka nna ka di dira le bogologolo. A e ka nna ene Keresete?” 30Ba tswa mo motseng, mme ba ya kwa go ene. 31Ya re mo bakeng loo barutwa ba mo rapela ba re: “Rabi, a ko o je.” 32Mme a ba raya a re: “Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng.” 33Foo barutwa ba raana ba re: “A mongwe o tsile a mo tsholetse dijo go ja?” 34Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira go rata ga yo o nthomileng, le go wetsa tiro ya gagwe. 35A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi di le nne pele ga thobo ya mabele’? Bonang, ke a lo raya: Lebang, lo bone masimo, fa a setse a le masweu a go rojwa. 36Yo o robang o tshola tuelo, a phuthele botshelo jo bo sa khutleng loungo; gore yo o jalang le yo o robang ba itumele mmogo. 37Gonne lefoko le, le boammaaruri ka gone mo, jaaka go twe: ‘Mongwe o a jala, mme o sele a robe.’ 38Ke lo romile lwa ya go roba mo lo se kang lwa go direla; ba sele ba dirile, mme lona lo tsenye mo tirong ya bone.” 39Basamaria ba le bantsi ba motse o, ba mo dumela ka ntlha ya lefoko la mosadi, yo o supileng a re: “O mpoleletse dilo tsotlhe tse ke ntseng ka nna ka di dira le bogologolo.” 40Jalo e rile Basamaria ba sena go fitlha kwa go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo; mme a tlhola teng malatsi a le mabedi. 41Mme ga dumela batho ba le bantsi gape ka lefoko la gagwe; 42ba raya mosadi ba re: “Jaanong re a dumela, e seng ka ntlha ya go bolela ga gago fela; gonne ka rosi re mo ikutlwetse, mme re a itse fa ruri motho yo e le Mmoloki wa lefatshe.”



Thata ya Morwa

19Foo Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, Morwa ga a na go dira sepe ka esi, fa e se se o bonang Rara a se dira; gonne dilo tse o di dirang, Morwa le ene o di dira fela jalo. 20Gonne Rara o rata Morwa, mme o mo supetsa tsotlhe tse o di dirang, mme o tlaa mo supetsa ditiro tse dikgolo bogolo go tse, gore lo gakgamale. 21Gonne jaaka Rara a tsosa baswi, a ba rudise, go ntse fela jalo, Morwa le ene o rudisa ba o ratang go ba rudisa. 22Rara ga a atlhole motho ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa; 23gore botlhe ba tlotle Morwa fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rara yo o mo romileng. 24“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong. 25Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela. 26Gonne jaaka Rara a na le botshelo mo go ene ka esi, o neetse Morwa le ene jalo, gore a nne le botshelo mo go ene ka esi. 27O mo neetse thata ya go dira katlholo, ka e le Morwa Motho. 28Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. 29Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.



Jesu ke senkgwe sa botshelo

25Mme ya re ba mmona kwa moseja ga lewatle, ba mo raya ba re: “Rabi, o tsile leng kwano?” 26Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lo a mpatla, e seng ka gobo lo bonye ditshupo, mme e le ka gobo lo jele dinkgwe, lwa kgora. 27Se direleng dijo tse di nyelelang, direlang dijo tse di nnelang go ya go fitlha botshelong jo bo sa khutleng, tse Morwa Motho o tlaa di lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mmeileng lotshwao.” 28Foo ba mo raya ba re: “Re na le go dirang, gore re dire ditiro tsa Modimo?” 29Jesu a ba fetola a re: “Tiro ya Modimo ke e, gore lo dumele mo go ene yo o mo romileng.” 30Foo ba mo raya ba re: “O dirang fela se e leng sesupo, gore re bone, re be re dumele mo go wena? O dirang? 31Borraetsho ba ne ba ja mana mo nageng; jaaka go kwadilwe ga twe: ‘O ba neile senkgwe se se tswang legodimong go se ja.’ ” 32Foo Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, e ne e se Moše yo o lo neileng senkgwe se se tswang legodimong; mme Rre o lo naya senkgwe sa ammaaruri se se tswang legodimong; 33gonne senkgwe sa Modimo ke se se fologang se tswa legodimong, mme se naya lefatshe botshelo.” 34Foo ba mo raya ba re: “Morena, re neye senkgwe seo ka metlha yotlhe.” 35Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang mo go nna, ga a ketla a bolawa ke tlala, le yo o dumelang mo go nna, ga a ketla a nyorwa gope. 36Ke lo reile ka re, lo mponye, le fa go ntse jalo ga lo dumele. 37Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tlaa tla mo go nna; mme yo o tlang mo go nna, ga nketla ke mo kgoromeletsa ntle gope. 38Gonne ke fologile kwa legodimong, ke sa tle go dira go rata ga me, fa e se go rata ga yo o nthomileng. 39Go rata ga yo o nthomileng, ke gore, gotlhe mo o go nneileng ke se ka ka latlhegelwa ke sepe, fa e se gore ke tle ke se tsose mo letsatsing la bofelo. 40Gonne go rata ga Rre ke mo, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa Modimo, a mo dumela, a bone botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.” 41Foo Bajuta ba ngongorega ka ga gagwe, ka gobo a rile: “Ke nna senkgwe se se fologileng se tswa legodimong.” 42Ba re: “Yo, a ga se Jesu morwa Josefe, yo borraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang gompieno, a re: ‘Ke fologile ke tswa legodimong’?” 43Jesu a ba fetola a re: “Se ngongoregeng mo go lona. 44Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge, mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo. 45Go kwadilwe mo baperofeting ga twe: ‘Ba tlaa rutwa ke Modimo botlhe fela.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, mme a ithutile, o tla mo go nna. 46Ga se gore mongwe o kile a bona Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong, ke ene yo o bonyeng Rara. 47Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya: Yo o dumelang mo go nna o na le botshelo jo bo sa khutleng. 48Ke nna senkgwe sa botshelo. 49Borraeno ba kile ba ja mana mo nageng, mme ba sule. 50Se ke sone senkgwe se se fologang se tswa legodimong, gore motho a se je, mme a se ka a swa. 51Ke nna senkgwe se se tshedileng se se fologileng se tswa legodimong; fa motho le fa e le mang a ja senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng; ee, le gone senkgwe se ke tlaa se ntshang ke nama ya me, gore e nne botshelo jwa lefatshe.” 52Foo Bajuta ba nna kgang ba re: “Ana motho yo, o ka re naya nama ya gagwe jang go e ja?” 53Foo Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo sa je nama ya Morwa Motho, fa lo sa nwe madi a gagwe, ga go na botshelo mo go lona. 54Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo. 55Gonne nama ya me ke sejo ruri, le madi a me ke seno ruri. 56Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna mo go ene. 57Jaaka Rara yo o tshedileng a nthomile, mme ke tshela ka ntlha ya ga Rara; jalo le ene yo o njang, o tlaa tshela ka ntlha ya me. 58Se ke sone senkgwe se se fologileng se tswa legodimong, ga se mo go etsang jaaka borara ba kile ba ja, mme ba sule; yo o jang senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng.” 59Dilo tse a di bua mo ntlong ya thuto, ka a ruta mo Kaperenaume.



Jesu lesedi la lefatshe

12 Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.” 13 Bafarisai ba mo raya ba re: “O supa ka ga gago; tshupo ya gago ga e ammaaruri.” 14Jesu a ba fetola a re: “Le fa ke supa ka ga me, tshupo ya me e ammaaruri; gonne ke a itse kwa ke tswang le kwa ke yang teng; lona ga lo itse kwa ke tswang le kwa ke yang teng. 15Lona lo atlhola ka fa nameng; nna ga ke atlhole ope. 16Ee, mme le fa ke atlhola, katlholo ya me e ammaaruri; gonne ga ke nosi, mme ke nna le Rara yo o nthomileng. 17Ee, le mo molaong wa lona go kwadilwe ga twe: ‘Tshupo ya batho ba le babedi e ammaaruri.’ 18Ke nna ke supang ka ga me, mme le Rara yo o nthomileng o a ntshupa.” 19Ba mo raya ba re: “Rraago o kae?” Jesu a ba fetola a re: “Go le nna ga lo nkitse, le Rre ga lo mo itse; fa lo ka bo lo nkitse, Rre le ene lo ne lo tlaa mo itse.” 20Mafoko a, a a bua a le mo ntlong ya dikhumo, ka a ruta mo tempeleng; mme go se ka ga dira le motho ope yo o mo tshwarang, ka lobaka lwa gagwe lo no lo ise lo tle.



Jesu o fodisa monna yo o tsetsweng a le sefofu

1Ya re a feta, a bona motho yo o sa leng a tsalwa a foufetse. 2Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, go ne go leofile mang, a monna yo, kgotsa batsadi ba gagwe, fa e bo ne ne a tsetswe a foufetse?” 3Jesu a ba fetola, a re: “Go ne go sa leofa monna yo, le fa e le batsadi ba gagwe; e ne e le gore ditiro tsa Modimo di tle di bonadiwe mo go ene. 4Re na le go dira ditiro tsa yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; bosigo bo etla, jo go se nang ope yo o ka dirang mo go jone. 5E re fa ke sa ntse ke le mo lefatsheng, ke be ke le lesedi la lefatshe.” 6Ya re a sena go bua jalo, a kgwela mathe fa fatshe, a duba seretse ka mathe, mme a mo tshasa seretse mo matlhong, 7a mo raya a re: “Ya o tlhape mo lekadibeng la Siloame,” – ke go re, Romilwe, fa go phuthololwa. Mme a tloga a tsamaya, a ya a tlhapa, mme a tla a bona. 8Foo ba ga gabo le ba ba mmonyeng gale fa e le mokopi, ba re: “Yo, a ga se ene yo o ne a tle a nnele go kopa?” 9Ba bangwe ba re: “Ke ene.” Ba bangwe ba re: “Nnyaa, o tshwana nae.” Mme ene a re: “Ke nna.” 10Ba mo raya ba re: “Fa e le jalo, matlho a gago a foufolotswe jang?” 11A ba fetola a re: “Monna yo go tweng Jesu, a duba seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: ‘Ya mo Siloame, o tlhape,’ mme ka tsamaya, ka ya ka tlhapa, mme ka foufologa.” 12Ba mo raya ba re: “Ene o kae?” A re: “Ga ke itse.”



Jesu Modisa yo o molemo

7Jesu a ba a ba raya gape a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, ke nna kgoro ya dinku. 8Botlhe ba ba tsileng ba nkema pele ke magodu le dinokwane; mme dinku ga di a ka tsa ba utlwa. 9Ke nna kgoro, fa motho le fa e le mang a tsena ka nna, o tlaa bolokwa, o tlaa tsena a ba a tswa, mme o tlaa bona bofulo. 10Legodu ga le tle, fa e se gore le utswe, le go bolaya, le go senya; nna ke tsile gore di bone botshelo, mme di bo bone ka letlolo. 11“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe. 12Yo o thapilweng ka tuelo, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, o bona phiri e tla, a tlogele dinku, a tshabe; mme phiri e di tshware, e di falatse. 13O tshaba ka gobo e le mothapiwa ka tuelo fela, a sa re sepe ka dinku. 14Ke nna modisa yo o molemo; tse e leng tsa me ke a di itse, le tse e leng tsa me di a nkitse, 15fela jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; mme ke beela dinku botshelo jwa me. 16Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela. 17“Ke gone Rara o nthatang, ka gobo ke baya botshelo jwa me, gore ke be ke bo tshole gape. 18Ga go ope yo o bo ntseelang, ke bo ipeisa fela. Ke na le thata go bo baya, ke bile ke na le thata go ba ke bo tshola. Taolo e, ke e amogetse mo go Rre.” 19Ga ba ga tsoga kgaogano gape mo Bajuteng ka ntlha ya mafoko a. 20Bantsi ba bone ba re: “O na le mewa e e maswe, o a tsenwa, lo mo reeletsang?” 21Ba bangwe ba re: “Tse ga se dipolelo tsa yo o tsenyweng ke mewa e e maswe. A mewa e e maswe e ka foufolola matlho a difofu?”



Bagerika bangwe ba senka Jesu

20Jaana ga bo go le Bagerika bangwe mo go bone ba ba ileng go obama mo modirong; 21bao ba ya kwa go Filipo, yo o leng wa Bethesaita wa Galilea, ba mo lopa ba re: “Morena, re rata ra bona Jesu.” 22Filipo a ya a bolelela Anterea, mme Anterea a tla a nna le Filipo, mme ba bolelela Jesu. 23Jesu a ba fetola a re: “Lobaka lo tsile, lo Morwa Motho o tlaa galalediwang ka lone. 24Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung, ya swa, e tle e nne yosi fela; mme fa e swa, e ungwe loungo lo logolo. 25Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng. 26Fa motho le fa e le mang a ntirela, a a ntshale morago; mme kwa ke teng motlhanka wa me le ene o tlaa nna teng; fa mongwe le fa e le mang a ntirela, Rara o tlaa mo tlotla.



Taolo e ntšha

30Ke gone e rileng a sena go amogela thathana a akofa a tswela kwa ntle; mme ga bo go le bosigo. 31Ke gone e rileng a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene; 32Modimo o tlaa mo galaleletsa mo go one ka osi, o tlaa akofa o mo galaletsa. 33Banyana, ke sa ntse ke na le lona ka lobakanyana. Lo tlaa mpatla; mme jaaka ke reile Bajuta ka re: Kwa ke yang teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng; le gompieno ke bua jalo le lona. 34Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane. 35Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.”



Jesu ke ene tsela ya go ya kwa go Rara

1“A dipelo tsa lona di se huduege; lo dumela mo Modimong, dumelang le mo go nna. 2Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi; fa go ne go sa nna jalo, nka bo ke le boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa bonno. 3Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng. 4Kwa ke yang teng lo itse tsela ya teng.” 5Thomase a mo raya a re: “Morena, ga re itse kwa o yang teng; kana tsela re e itse jang?” 6Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna. 7Fa lo ne lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le ene Rre; mme go tloga fano lo a mo itse, mme lo mmonye.” 8Filipo a mo raya a re: “Morena, re bontshe Rara, mme go tlaa bo go re lekanye.” 9Jesu a mo raya a re: “A ke gore ke ntse le lona lobaka lo lo kanakana, ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara; o bua jang, wa re: ‘Re bontshe Rara’? 10A ga o dumele fa ke le mo go Rara, le Rara mo go nna? Mafoko a ke a buang le lona ga ke a ipuise ka nosi; mme Rara, ka a ntse mo go nna, o dira ditiro tsa gagwe. 11Ntumelang fa ke le mo go Rara, le Rara a le mo go nna; fa go sa nna jalo, ntumelang ka ntlha ya ditiro fela ka tsosi. 12Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o dumelang mo go nna, ditiro tse ke di dirang, le ene o tlaa di dira; o tlaa dira ditiro tse dikgolo go feta tse; gonne ke ya kwa go Rara. 13Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe. 14Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira.

Jesu o solofetsa Mowa o o Boitshepo

15“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me. 16Mme ke tlaa rapela Rara, mme o tlaa lo naya Mogomotsi o sele, gore a nne le lona ka bosakhutleng, 17e bong Mowa wa boammaaruri, o lefatshe le sa ka keng la o tshola; gonne ga le o bone, ga le o itse; lona lo a o itse; gonne o ntse le lona, mme o tlaa nna mo go lona. 18“Ga nketla ke lo tlogela lo le masiela fela; ke tlaa tla kwa go lona. 19E tlaa re kwa pelenyana, lefatshe le bo le sa tlhole le mpona; mme lona lo bo lo ntse lo mpona; e re ka ke tshedile, le lona lo tlaa tshela. 20E tlaa re mo letsatsing leo lo tlaa itse fa ke le mo go Rre, le lona mo go nna, le nna mo go lona. 21“Yo o nang le ditaolo tsa me, a di tshegetsa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang, o tlaa ratwa ke Rre, le nna ke tlaa mo rata, mme ke tlaa mo ipontsha.” 22Jutase – e seng Isekariote – a mo raya a re: “Morena, go dirile jang ka o tlaa ipontsha rona, mme e seng lefatshe?” 23Jesu a mo fetola a re: “Fa motho a nthata, o tlaa tshegetsa lefoko la me; mme Rre o tlaa mo rata, mme re tlaa tla mo go ene, re dira bonno jwa rona mo go ene. 24Yo o sa nthateng, ga a tshegetse mafoko a me; mme lefoko le lo le utlwang, ga se la me, ke la Rara yo o nthomileng. 25“Dilo tse ke di buile le lona, ke sa ntse ke ntse le lona. 26Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, yo Rara o tlaa mo romang ka leina la me, ene o tlaa lo ruta dilo tsotlhe; o tlaa lo gakolola tsotlhe tse ke di buileng le lona. 27“Kagiso ke e tlogela le lona; kagiso ya me ke a e lo naya; ga ke lo neye jaaka lefatshe le tle le neye batho. A dipelo tsa lona di se fuduege, le gone a di se boife. 28Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re, ke a tsamaya, mme ke tlaa tla kwa go lona. Fa lo ne lo nthata lo ne lo tlaa itumela, ka gobo ke ya kwa go Rara; gonne Rara o mogolo bogolo go nna. 29Jaana ke lo boleletse go sa le gale, go ise go dirafale, gore e tle e re go diretse lo bo lo dumele. 30Ga nketla ke tlhola ke bua segolo le lona, gonne kgosana ya lefatshe e etla, mme ga e na sepe mo go nna; 31ke raya gore lefatshe le itse fa ke rata Rara, le jaaka Rara a nneile taolo, ke dira fela jalo. Nanogang, re tsweng mono.



Jesu mofine wa nnete

1“Ke nna mofine wa ammaaruri, Rre ke ene Mmaakanyi wa tshimo. 2Kala nngwe le nngwe e e mo go nna, e e sa ungweng, o a e tlosa; mme kala nngwe le nngwe e e ungwang, o a e ntlafatsa, gore e ungwe bogolo. 3Lona lo setse lo le bantle le jaana, ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona. 4Nnang mo go nna, le nna mo go lona. Jaaka kala e sa ka ke ya ungwa ka yosi, fa e sa nne mo mofineng; go ntse jalo le lona, fa lo sa nne mo go nna. 5“Ke nna mofine, lona lo dikala; yo o nnang mo go nna, le nna mo go ene, ke ene yo o ungwang segolo, gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe. 6Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala, mme e omelele; batho ba di kgobokanye, ba di latlhele mo molelong, mme di jewe ke molelo. 7Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa. 8Rre o galalediwa ke mo, ke go re, fa lo ungwa segolo; jalo lo tlaa nna barutwa ba me. 9Fela jaaka Rara a nthatile, le nna ke lo ratile; nnang mo loratong lwa me. 10Fa lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tlaa nna mo loratong lwa me; fela jaaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe. 11“Dilo tse ke di buile le lona, gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dirafale. 12Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile. 13Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe. 14Lona lo ditsala tsa me, fa lo dira dilo tse ke di lo laolelang. 15Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe o se dirang; mme ke lo biditse ditsala; gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwile mo go Rre, ke di lo itsisitse. 16Ga lo a ka lwa intshenkela; ke nna ke itshenketseng lona, mme ka lo laolela go ya go ungwa, le gore loungo lwa lona lo tlhomame; gore e tle e re se lo se lopang Rara, le fa e ka nna eng, ka leina la me, a se lo neye. 17Dilo tse ke a di lo laolela, gore lo ratane.



Jesu o rapelela barutwa ba gagwe

1Jesu a bua dilo tse; mme a lelalela legodimong a re: “Rara, lobaka lo fitlhile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse; 2fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, e tle e re bone ba o ba mo neileng le fa e ka ne e le mang, a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. 3Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete. 4Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira. 5Mme jaana, Rara, a ko o nkgalaletse nao, ka kgalalelo e ke neng ke ntse ke na nayo nao pele lefatshe le ise le nne. 6“Leina la gago ke le bontshitse batho ba o ba lomolotseng mo lefatsheng wa ba nnaya; e ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba tshegeditse lefoko la gago. 7Jaanong ba a itse fa dilo tsotlhe fela tse o di nneileng di tswa kwa go wena; 8gonne mafoko a o a nneileng ke a neile bone; ba a tshotse, mme ba itsile fa ruri ke tswa kwa go wena, ba bile ba dumetse fa o nthomile. 9Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, fa e se bone ba o ba nneileng, gonne ke ba gago; 10dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, le tsa gago ke tsa me; mme ke galalediwa mo go tsone. 11Ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng, mme ke ya koo go wena. Rara yo o boitshepo, ba boloke ka leina la gago le o le nneileng, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona. 12Ke rile ke sa ntse ke nna nabo, ka ba boloka ka leina la gago le o le nneileng; ka ba femela, mme go se ka ga latlhega ope wa bone, fa e se ngwana wa tatlhego fela; gore lokwalo lo dirafale. 13Jaana ke ya koo go wena; mme dilo tse, ke di bua mo lefatsheng, gore boitumelo jwa me bo dirale mo go bone ka bosi. 14Ke ba neile lefoko la gago; mme lefatshe la ba ila, ka gobo ba se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe. 15Ga ke rapele gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba dibele mo go yo o bosula. 16Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe. 17Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri. 18Jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke romile bone jalo mo lefatsheng. 19Ke a iitshepisa ka ntlha ya bone, gore le bone ka bosi ba itshepisiwe mo boammaaruring. 20“Le gone ga ke rapelele bone bosi, mme ke rapelela le ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; 21gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna mo go wena, gore le bone ba nne mo go rona, gore lefatshe le dumele fa o nthomile. 22Le kgalalelo e o e nneileng, ke e neile bone, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona re le mongwe fela. 23Nna mo go bone, le wena mo go nna, gore ba dirwe boitekanelo mo bongwefeleng; gore lefatshe le itse fa o nthomile, le gore o rata bone, fela jaaka o ratile nna. 24“Rara, ba o ba nneileng, ke rata gore kwa ke teng, le bone ka bo ke na nabo; gore ba bone kgalalelo ya me, e o e nneileng; gonne o nthatile pele ga tlholego ya lefatshe. 25Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le a ka la go itse, mme nna ke go itsile; le ba, ba itsile fa o nthomile. 26Ke ba itsisitse leina la gago, mme ke tlaa nna ke le ba itsise; gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”



Loso lwa ga Jesu

28 Morago ga moo, ka Jesu a itse fa jaanong dilo tsotlhe di setse di weditswe, mme gore lokwalo lo dirafale, a re: “Ke nyorilwe.” 29Mme ga bo go beilwe teng nkgwana e tletse bojalwa jo bo botšarara; foo ba ina ngami mo botšarareng, ba e tlhomela ka thupa ya mosiama, ba e isa kwa molomong wa gagwe. 30Ya re Jesu a sena go amogela botšarara, a re: “Go weditswe!” mme a oba tlhogo, a neela mowa. 31Mme e re ka e le lobaka lwa Iketleetso, Bajuta ba lopa Pilato gore maoto a bone a rojwe, mme ba tlosiwe, gore ditoto tsa bone di se ka tsa nna mo mekgorong ka Sabata, gonne letsatsi leo la Sabata e ne e le letsatsi le legolo. 32Foo batlhabani ba fitlha ba roba maoto a wa ntlha, le a yo mongwe, yo o bapotsweng nae; 33mme ba re ba tla mo go Jesu, ba fitlhela a setse a sule, ba se ka ba mo roba maoto. 34Le fa go ntse jalo mongwe wa batlhabani a tlhaba lotlhakore lwa gagwe ka lerumo, mme ka bonako ga tswa madi le metsi. 35Mme yo o bonyeng o supile, mme tshupo ya gagwe e ammaaruri; o bile o itse fa a bolelela ruri, gore le lona lo dumele. 36Gonne dilo tse di diretse, gore lokwalo lo dirale lo lo reng: “Ga go ketla go rojwa lesapo lepe la gagwe.” 37Gape lokwalo lo longwe lwa re: “Ba tlaa leba ene yo ba mo tlhabileng.”



Jesu o iponatsa mo barutweng ba gagwe

19Jaana ya re go sa le letsatsi leo, e le letsatsi la ntlha la beke, go le maabanyane, go bile go tswetswe fa barutwa ba leng teng, ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a fitlha a ema fa gare ga bone, a ba raya a re: “Kagiso e nne le lona.” 20Ya re a sena go bua jalo, a ba supetsa diatla tsa gagwe le lotlhakore lwa gagwe. Foo barutwa ba itumela, ka ba bona Morena. 21Foo Jesu a ba a ba raya gape, a re: “Kagiso e nne le lona. Jaaka Rara a nthomile, le nna ke roma lona jalo.” 22Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela mowa, a ba raya a re: “Amogelang Mowa o o Boitshepo; 23le fa e le bomang ba dibe tsa bone lo di itshwarelang, ba di itshwaretswe; mme ba dibe tsa bone lo di emisang, di eme.”